E2068 THULAGANYO YA KGODISO YA MOEPO WA MAGALA, WA MORUPULE v12 MORUPULE COLLIERY EXPANSION PROJECT KETAPELE Poledi e, ke ya tshekatsheko ya tse di ka amang tikologo (EIS), e tlisa maduo a tshekatsheko ya tikologo (EIA) ya lenaneo la kakanyetso ya go oketsa moepo wa Morupule mo Palapye. EIS e, e ne ya romelelwa go ba lephata la tse di amang tikologo (DEA) ba ba okametseng tshekatsheko ya tikologo go e sekaseka ba bo ba e dumalana. Patlisiso e simolodisitswe ke ba moepo wa Morupule (MCL), mong wa moepo e bo e diragatswa ke ba Ecosurv (Pty) (Ltd). Moono mogolo wa EIA ke : Go keleka lefelo le le ka amiwang ke lenaneo le kana kgodiso ya lefelo le Go sekaseka mathata a ka tlhagang morago ga go simolodisa lenaneo le. Go sekaseka, go bo go tlhaloswa ka fa go ka thibelwang ditlamorago tse di maswe, go bo go oketswa tse di molemo. Go tlhama lenaneo la go laola tikologo ( EMP) le bo le lebelela tse di tlhokegang ; gape Go tlhomamisa tlhwatlhwa ka madi e e tla nnang teng fa go tswalwa moepo, le go aga dikago tse disha. PONELO MORAGO YA LENANEO MCL, ke lekalana la kompone ya diteemane ya Debswana (Pty) Ltd, e e sa bolong go okamela moepo wa magala fa e sale ka ngwaga wa 1973, ebile gompieno e ntsa selekano di thane di le mmillione tsa magala ka ngwaga. Tshimo ya magala mo moepong e gola thata ebile e na le magala a tlhwatlhwa, a a akanyetswang gore otlhe a ka tshwara di thane di le dibillione di le tlhano. Kompone ya motlakase mo Botswana (BPC), ke yoe e tsamaisang seteishane se se dirisang magala go fetlha motlakase bogautshwane, mme e ntse e le yone e dirisang magala a MCL a le mantsi go gaisa. Moepo jaanong o kopa go oketsa maungo a moepo go tswa mo selekanyong sa millione ya di thane ka ngwaga go ya ko dimillioneng di le nne ka ngwaga mo karolong ya one ya ntlha, goya ko dimillioneng di le lesome le bobedi ka ngwaga mo karolong ya bobedi. Mosola wa koketso e ko gore: Go kgona go oketsa phetlho ya motlakase ko seteitshaneng sa magala sa BPC kwa Morupule. Koketsego ya motlakase e solofelwa go nna di megawatts di le makgolo a le marataro mo karolong ya ntlha, e be e nna di megawatts tse makgolo a marataro ga mmogo le tse di lekgolo le masome a mararo le bobedi tse d fetlhwang gompieno. Go ntsha magala a botlhokwa a a tlhwatswitsweng go lekana go dirisiwa mo Botswana le go rekisiwa kwa ntle. Go ntsha magala a a seng mosola a seemo sa seteishane sa magala a a lekaneng go rekisetsa bareki ba gale le ba basha. Moepo o filwe tetla ke lekgotla la baokamedi ba kompone ya motlakase ya Botswana, BPC, go tswelela ka go baakanyetsa le go akanyetsa go netefatsa gore go na le magala a selekano sa go fetlha dimegawatts tse di ka tshwarang makgolo a marataro ka karolo ya ntlha, go godisa seteishane . Go santse go emetswe gore ba BPC ba letlelele gore go tsenwe mo karolong ya bobedi. DITIRO TSE DIAKANGTSWENG KAROLO YA NTLHA: Di millione di le nne ka ngwaga (Mtpa) di epiwa ditswa mo kgorong ya mokoti o ntseng o le teng , go busetsa lefatshe le didirisiwa tse di tshwetlang kwa lefelong le le ntseng le le teng. Go bo go agiwa dikantoro tse disha, madirelo le matlo a le masome a mabedi kwa Morupule. KAROLO YA BOBEDI : Selekanyo sa lesome le bobedi (Mtpa) sa moepo go tswa kwa lefelong le lesha, dikhilomitara di le nne le sephatlo bokone jwa lehuti le le ntseng le dirisiwa, go bo go tsengwa setlhomo se sesha ko go tlhatswiwang magala teng. Dipatlisiso tsotlhe tsa pele tsa karolo ya ntlha di weditswe, fa patlisiso ya karolo ya bobedi e santse e tsweletse. Kago ya dikarolo tse e tla simolola ka ngwaga wa 2011 le 2012 go latelana, mme tsotlhe di tla tsaya ngwaga tse tharo. Nako ya tiriso le go nna teng ga dikarolo tse ke dingwaga di le masome a mabedi nngwe le nngwe ya tsone. Dipatlisiso le ditetelelo tse di leng teng tsa tikologo ke tse di latelang: Tshekatsheko ya maemo, EMP le lenaneo la go ka tswala, di baakanyeditswe lefuti la moepo o o leng teng, le ditiro tse di amanang nao. Ga gona ditiro dipe tsa EIA tse di lebaganeng le moepo o ntseng o dira. Tshekatsheko ka moitseanape wa ditso le matlapa e pasitse kwa lefelong le go ya go epiwang teng. Go dirilwe di EIA tse difarologaneng mo moleng o o kopanyang bokone le borwa (NSC) le setlhomo se se phepafatsang magala se se ntseng se le teng. Tse tsotlhe di filwe teseletso ke ba DEA. Moepo o kopile, o bo wa okelediwa nako ya go dirisa lefelo le le apesang magala go tsena kwa Serowe. Go tla lebiwa lefatshe le le fa godimo fa go tlaabong go okediwa go epa magala ke ba EIA le AIA. Mo lefelong le le kopilweng, go oketswa go tlaabo go na le dikarolo tse di amilweng ke go phephafatsa, ditsela le ditlamelo. Lefelo le le setseng le tla tlogelwa le sa fetolwa. DITUELO LE BONNO Malwapa ale mmalwa a nna fa moepo o tlaabong o le teng. Moepo o ikaelela go duela o bo o kopa botlhe ba ba nnang go bapa, kana fa lefelong la moepo go fuduga. Dituelo di atlhokega ka ba kabo ditsha ga ba kgone go fa MCL tetla ya lefatshe fa beng ba lone ba sa duelwa. Tiro e, e tsweletse. LEFELO Moepo wa magala wa Morupule o kwa kgaolog ya legare la Botswana, dikhilomitara di ka tshwara makgolo a mararo bokone jwa toropo kgolo Gaborone, le bo le nna dikhilomitara tse di lesome le bobedi bokone bophirima jwa Palapye o tswela Serowe. MOKGWA O O DIRISITSWENG Dikgato tse di dirisitsweng go sekaseka ditlamorago tsa lenaneo le ke tse di latelang: Go nangkola ditlamorago, go akanyetsa motlhale wa tsone, bogolo jwa tsone, nako le katlamo ya tsone, go bona metlhale ya go fokotsa boleng jwa ditlamorago tse, le go bona gore a di ka fokotswa kana tsa tilwa. Mathata a magolo a ditlamorago a ne a bonwa fa go ne go sekasekwa go etetswe lefelo, ga buisanngwa le batho le go bala dibuka. Ka nako ya Dipatlisiso tsa ditlamorago tsa EIA, di ne tsa tsweledisiwa ka go batlisiwa thata go dirisiwa le dipatlisiso tsa baitseanape ka go farologana ga bone. Bomosola jwa ditlamorago di ne tsa bonwa ka tse di latelang: Bokao = Ditlamorago (Katlhamo, x Boteng, x Nako) x Kgonagalo Maduo a tshekatsheko ya bomosola ya ditlamorago tsa go salela, e kanna (kwa tlase, fa gare, kwa godimo) mme a amana le fa ba ba leng mo taolong ba tsayang ditshwetso ka mokgwa o o latelang: Ko tlase ­ ga e kake ya kganela tshwetso ya go re tiro e tswelele, fa e se go ka pala go re dintlha tse di senositsweng tsa go ka fokotsa ditlamorago di ka seka tsa kgonega. Fag are ­ ga e ya tshwanela go ama tshwetso ya go tsweledisa tiro, fa e se go ka pala go re go diragadiwe dintlha tse di tlaa fokotsang ditlamorago. Ko godimo ­ di ka ama go tsweledisa tiro ka bokete. Seemo sa Tikologo Lefelo le tiro e tlaa direlwag teng, e amogela di temperatshara tse di ka nnang 30° Gantsi, seemo sa bokete jwa metsi mo loaping e le 371mm, mme bontsi jwa pula e na magareng ga dikgwedi tsa Ngwanaatsele le Mopitlo ngwaga le ngwaga. Tsholofelo ya khudugo ya metsi go ya loaping e magareng ga 900 ­ 1200 mm ka ngwaga, (WSB, 2007), e e leng gabedi go ya go gararo go feta tsholofel ya selekanyo sa pula mo ngwageng. Mokwalo o sua fa diphefo Gantsi e le tsa mantlha a go tswa bokoni botlhaba ka lobelo la dimethara di le tharo ka sephatlo sa motsotswana. Seemo sa phefo mo loaping Seemo sa phefo kwa moepong se kgotlelwa bogolo jang ke lerole fa go thubiwa, kana go kgobokanngwa, kana go fudusiwa magala. Phefo gape e kgotletsega fa go tshubilwe magala a a fetlhang motlakase mo seteitshaneng sa BPC, ka se golola digase ka mefuta le mosi. Kgotlelesego ya phefo ka tsela tse, e feta seemo se se amogelesegang sa ba Banka ya Mafatshefatshe, (World Bank Group). Tshekatsheko ya digase tse di borai e supa fa go sena lebaka la go tshwenyega. Mme se se ka oketsega fa moepo o tsenelela mo boteng jwa lefatshe. Modumo Modumo mo tikologong ya Palapye o ko godimo, le fa se se ka solofelwa mo mafelong a boagedi boleng bontsi. Seemo sa modumo o o leng teng go bapa le tsela e kgolo fa thoko ga Palapye ke se se amogelesegang go akanyetswa baaged ba kgaolo e go lebilwe ditlha tsa (SANS 10103 dintlha tsa go amogelesega ga modumo). Ka jalo, mo motshegareng go lemosegile fa seemo sa modumo e le se se amogelesegang ka dinlha tsa (SANS 10103) Ditlamorago tsa modumo o o dirwang ka go fetlhwa ga motlakase ko moepong go supafala e le tse di sa tshwenyeng ka gope. Seemo sa modumo se badilwe go feta 35 decibel (dBA), e le seemo se se letlelesegag sa modumo wa bosigo ko dikgaolong mo sekgaleng sa dimithara di le 2600 go tswa fa madirelong. Go na le malwapana a le supa mo teng ga sekgala se se letlelesegang se. Motsana wa badiri ba moepo one o kwa ntle ga sekgele se se beilweng se, ka moo ga ba amiwe ke seemo sa modumo. Go anama ga lefatshe Lefelo ka bophara le rapaletse, mme go na le kgaolwana ya mantswe a se kae go ela ko Tswapong, a a leng sekgala sa dikhilomithara di le lesome le bobedi go ya borwa-botlhaba go tswa fa moepong. Gape go na le makhujwana go ya bokone jwa moepo. Motse wa badiri ba moepo o fag are ga makhubu one a a kwa bokone. Sekaka sa Kgalagadi se supelwa kwa bophirima go tswa fa moepong. Kgaolo e moepo o leng mogo yone, e ntshiwa metsi go ya botlhaba ke dinokana tsa Morupule le Lotsane. Mefuta ya mebu Mofuta wa mmu ke o go tweng Aeolian, o o magareng ga dimithara di le pedi go ya go di le boferabongwe, mme di le boteng jwa dimithara di le botlhano le sephatlo, o tshegeditswe ke `ferrocrete/calcrete'. Ko tlase ga foo go le `Siltstones'. Mefuta e ya mmu e raya go re ke e e ka nnang le seemo se se fagare go yak o godimo sa go kgotlelesega fa go na le metsi a a ka fa tlase ga lefatshe. Seemo sa go farologana ga matlapa (Geology) Kgaolo e e eme magareng ga se gotweng `Karoo supergroup' le `Palapye Group', e le mefuta ya go tlhatlologana ga matlapa mo kgaolong potlana. Seemo sa bokete jwa magala mo mmung mo kgaolong e ke go ya boteng jwa dikhilomithara di le lesome le bosupa, mme go ntse go epiwa magala aa ko teng ka ke one a boleng jo bo ko godimo. Boteng jwa magala bo ela ntlha ya borwa-botlhaba, ka jalo moepo o tlaa epelwa ko teng fa go tsweletse, ga e se fela go ka ogolwa magala a a fa godimo ka go dirisa mokgwa wa moepo o o phatlaletseng fa godimo. Boitsaanape jwa metsi a a mo matlapeng ka fa tlase ga lefatshe, (HYDROGEOLOGY) Mesele ya metsi mo boteng jwa lefatshe a sekegela mo seemong sa mantswe go ya Tswapong, a a bidiwang Tswapong formation; e e nosetsang didiba tsa Palapye, ka fa botlhaba jwa motes ka metsi a a sa tlhatswegang. Moepo o dirisa sedibana se se borwa go tswa moepong se le mo nokaneng ya Lotsane. Mesele ya metsi mo kgaolwaneng e ke ya Phuduhudu, e etsenang magare ga Tswapong le ya Dwyka. Tswapong Formation e e mo metsweding ya Palapye, botlhaba jwa motes e na le metsi a a lekanetseg le fa a farologanngwa ke dipaka mo e leng go re fa gongwe ga gona sepe, go yak o go masome a mararo a di cubic mithara tsa metsi o sephatlong sa motsotswana ka nako ya oura. Mme legale, boteng jwa metsi a go ela fa moepong ga se ga sepe, e ka nna selekanyo sa dimithara di le masome a se kae ; go sena fa a kgobokanelang teng, gape a le kgakala le boteng jwa metsi ko mantsweng a Tswapong. Bontsi jwa magala bo ko tlase ga mesele ya metsi. Boteng jwa moepo o o leng teng ke sekgala sa dimithara di le masome a ferabobedi go ya go a ferabongwe ka fa tlase ga lefatshe. Le fa go ntse jalo, ga go ise go kwadisiwe ka nako epe fa go na le bothata jwa go tswela ga metsi mo moepong. Fa moepo o katologisiwa kana o godisiwa, go tswela ga metsi go ka oketsega. O na le didiba di le mmalwa tsa balemi- barui mo kgaolwaneng e moepo o leng mo go one. Ka jalo go na le bokgoni jwa go re seemo sa metsi se amege mabapi le go okediwa ga mekoti mo moepong. Seemo sa metsi mo kgaolong (Hydrology) Go na le dinokana tse tharo tse di elang ka nakwana mo nwageng, tse di bapisitseng lefelo la moepo. Nokana ya Morupule e ela mo nokaneng ya Lotsane, ke yone e leng gaufi le moepo, ka sekgala sa di khilomithara di le tharo, fa nokana ya Lotsane e le sekgala sa di khilomithara di ka nna lesome go ya borwa. Nokana ya Kamotaka e ela mo go ya Lotsane go tswa bophirima. Lotsane ke nngwe ya dinokana tse di kgolwane mo setshwareng metsi ka bophara sa Limpopo. Go na le maikaelelo a go aga letamo le le tlaa nosang motse mo nokaneng ya Lotsane go ela ko botlhaba tsatsi ga motse. Moepo ka gompieno o na le mekoti ka fa tlase ga nokana ya Morupule, mme go dirisitswe melawana e e beilweng ya go rulaganya mekoti ka fa tlase ga nokana jaaka e beilwe ke ba Lephata la Meepo. Seemo sa dimela (vegetation) Kgaolwana e e na le mefuta e le mebedi ya dimela, (ditlhatsana), e leng `Acacia/Burkea/Ochna Savannah' le `Acacia Savannah' e e bonwang thata mo dikakeng. Mofuta o mongwe o se montsi ke o o melang mo mantsweng mme o le botlhokwa mo lefelong la moepo. Go na le mefuta e mengwe e mebedi e e jwalolang dimedi tse dingwe, (Dichrostachys cinerea le Argemone mexicana) tse di fa moepo o leng teng. (Stapelia schinzii var schinzii) ke mofuta o mongwe o o bonalang fa moepo o godisediwang teng. Dimedi tse gantsi di apang le dinoka di fokoditswe thata ke go lema fa thoko ga dinokana ga baagedi ba kgaolo e. Selekanyo sa masome a mabedi mo lekgolong fa thoko ga dinokana se senyegile thata ka ntata ya temo. Mafulo (Fauna) Moepo wa Morupule o ageletse ka terata bontlha bongwe jwa lefelo le le abetsweng moepo ka maikaelelo a go sireletsa diphologolo tsa naga tse di leng mo kgaolong e, ba bo ba di siela metsi le go leka go dioketsa. Boikarabelo jwa go tlhokomela lefelo le le sireleditseng diphologolo tsa naga ke gore phologolo nngwe le nngwe e fule mo sekgaleng sa di hekethara di le lesome le bobedi. Mekgwa ya tiriso ya lefatshe Lefelo le le kgethetsweng kgodiso ya moepo le mo kgaolong ya boikarabelo le tiriso ya morafe wa Bangwato, (Tribal Land). Mafelo a a mo teng le a a dikologileng lefelo le moepo o godisetswanng teng a mo ditirisong tse di farologaneng tse di latelang ka mefuta ya tsone: Madirelo a moepo o o leng teng Boagedi le bonno ka go farologana; jaaka motse wa Palapye o o dikhilomithara di le lesome le bobedi go ya botlhaba jwa moepo, le motsana wa Morupule, o o mo lefelong le go letleletsweng moepo mo go lone. Tsa papadi; bogolo thata mo motseng wa Palapye. Madirelo a magolo; go lebilwe seteitshane sa motlakase sa ba BPC go bapa le moepo wa Morupule. Temo-thuo; e ntsi bogolo thata mo lifelong le le kgethetsweng kgodisetso ya moepo. Selekanyo se se akanyetswang sa go ka tshegetsa diruiwa mo kgaolog e ke dhekethara di le supa mo seruiweng sengwe le sengwe. Tsa thuto; sekole se botlana sa Kgaswe se mo lefelong le sefetlha motlakase sa Morupule se leng mo go sone, mme se tlaa fudusiwa go sutela kgodiso ya moepo. Go nosa ka tiriso ya didiba; go na le didiba di ferabongwe mo lifelong le le kgethetsweng kgodiso ya moepo. Dintlha tsa ditswammung le tsa ditso tsa batho le mekgwa Didirisiwa tsa bogologolo tse di fitlhelwang mo kgaolong e di supa fa go kile a agela merafe e e farologanyeng ka dinako tse di farologanyeng. Mabitla a magologolo a merafe e e farologanyeng le one a supagala mo kgaolong e. Go bonala ga mabitla a magologolo mo lefelong la moepo go kaya gore go ka tswa go na le mabitla a mangwe mo kgaolong e, a a ising a supafale kana a bonala, ka jalo bodiredi jwa moepo bo tshwanetse jwa ela tlhoko go ka senosa mabitla fa tiro e tsweletse. Ditlamorago tsa moepo, le go thibelwa ga tsone. Ditlamorago tsa tiro e e sekasekelwang ka maemo a a fagare go ya go a a fa godimo, le mekgwa ya go ka di thibela a kwalolotswe m ditemaneng tse di latelang, di farologantswe ka ditiro tsa kago, bodiredi le ko pheletsong ya tiro. Golekanela le bokogodimo ga ditlamorago tse di lebaneng tshimologo ya sephatlo sa ntlha, go ya ko go sa bone Mtpa mmogo le go nyalana ga dikgato tsa itshireletso. Nomoro Ditiragalo Ditlamorago Tlholego Dikgato tsa Bosupi (ntle le dikgato Bosupi (mmogo le dikgato tsa Itshereletso tsa itshireletso) itshereletso) A. Tshimologo ya; Go atolosiwa ga Moepo, go thujwa ga mantswe, Didirisiwa tse di letlelelang phefo le go bonesa ka nako ya kepo, Sesigo go baya magala, Ditanka le kgobokanyo ya magala, kolotsana e e fudusang didirisiwa, Matlo a bodiredi le tse dingwe, (ntle le bokogodimo le go lekanela ga ditlamorago.) B. Didirisiwa tse di mo tirisong, Bookamedi le kelotlhoko ya tse di sa dirisiweng mmogo le bokopano (ntle le bokogodimo le go lekanela ga ditlamorago). C. Go ntshiwa ga didirisiwa tse di adimilweng mo lefelong la didirisiwa ka nako ya go kopanngwa didirisiwa le go thujwa ga mantswe. D. Go fudusiwa kana tsa mesepele (ntle le bokogodimo le go lekanela ga ditlamorago.) E. Paakanyetso mafelo otlhe a bodirelo. Paakanyetso Tatlhego ya ditlhatsana Ithutuntsho ka kago ya matlo a babereki. Go Go lekanela Go lekanela E2 lefelo mabapi le le lefelo la bonno la Ga gona baakanyediwa ga kago ya matlo go sa koketso ya dijwalo tse di bonwang kgonagalo dirisiwe dikolotsana tse di ka bakang babereki (kabo ya mo mantsweng. kgotlhalesego mo lefelong leo. Go matlo a le somarelwa ditlhare tsa tlholego fa go masome a tlhokafalang. (Go sireletsa ditlhare tse, ba mabedi mo ofisi ya tsa tikologo ba tshwanetse go motseng wa MCL) tshwaya ditlhare tse) E3 Kgopo le go Tatlhegelo ya ditswa Ga gona Go ka dirisiwa ditsela tsa go somarela mmu Go lekanela Bo kotlase kgobokanngwa mmung go bakwa ke go kgonagalo mo mafelong a bodiredi a mantsha fa go ga mmu mo bopagana ga mmu, go nang le ditlhatsana tsa tlholego. mafelong a kgotlhalesega le kgokologang. motswako. F. Bodiredi le Dithuso tse di lebaneng Tlhokafalo ya babereki ba ba Kgonagalo Ditiro tsa batho ba ba senang F1 Bodiredi nang la boitsaanape, le ba ba boitsaanape le ba boitsaanape jo bo Ko godimo Ko godimo nang le boitsaanape jo bo lekanetseng, di tshwanetse go anamisiwa lekanetseng, le ba ba senang le ko mafelong a tsa khiro ko Palapye. Se boitsaanape gotlhelele go ka sengwe gape dithuthuntsho di tshwanetse oketsa diphatlha tsa mmereko. go dirwa ko kgotleng kgolo ya motse ka thothoetso ya babereki ba kgotla, go sa lebalwe metsana e gaufi. F2 Bodiredi Go oketsega ga batho mo go sa Ga gona Dithuso tsa go tshwana le bongaka, Ko godimo Go lekanela tlwaelesegang mo lefelong, kgonagalo boroko le itshidilo mmele, ditshwanetse mabapi le kgogedi ya patlo go nna teng mo lefelong la bodiredi ka mmereko e ka tsisa kgotlhang nako tshotlhe, go fokotsa mosuke mo mo lefelong, mme se se ka tlisa mafelong a dirisiwang ke banni ba motse. koketsego ya malwetse a Maphata a babereki a tshwanetse go nna tlhakanelo dikobo (mmogo le le melawana mmogo le tshedimoso ka mogare wa HIV/AIDS) le bolwetsi jwa HIV/AIDS ka nako tsotlhe. borukutlhi. F3 Bodiredi Go oketsega ga boMaipaahela Ga gona MCL le bodiri jwa yone bo tshwanetse go Go lekanela Bo ko tlase mabapi le batho ba ba batlang kgonagalo bereka ka thata go tokafatsa seemo sa tiro. Se se ka tlisa mathata a boMaipaahela, ka go itsise ba molao fa koketsego ya malwetse, batho ba ipha boroko jwa malatsinyana go kgotlhelesego ya tikologo, bapa le kampa mo nakong e sa fediseng borukuthi le tse dingwe fela jalo. pelo. MCL e ka ikuela ko go ba Lephata la tsa tikologo, mme se, se tshwaraganelwe ke ba lephata la tsa Kabo Ditsha mo Palapye le ba Sepodisi. F4 Dithuso tse di Letlhoko la dithuso go ka Kgonagalo MCL e tshwanetse go kgothatsa babereki Ko godimo Ko godimo tlhokafalang simolola mmereko, go ka go dirisa dingwe tsa dithuso mo kgaolong oketsa maiteko a pulo ya Palapye-Serowe go bona dingwe tsa dikgwebo. ditlamelo jaaka dithoto le dithuso go tlokafatsa ditlamorago tsa seemo se. Bokogodimo le bogare ga ditlamorago tse di lebaneng tshimologo ya sephatlo sa ntlha go ya ko go sa bone Mtpa mmogo le go nyalana ga dikgato tsa itshireletso. Nom Ditiragalo Ditlamorago Tlholego Dikgato tsa Itshereletso Bosupi (ntle le dikgato Bosupi (mmogo le oro tsa itshireletso) dikgato tsa itshereletso) A. MOEPO WA MAGALA LE TSE DI DIRAGALANG KA NAKO YA KEPO A2 Go ntshiwa ga Go ka nna le Ga gona Fa go epiwa magala go magala a kgonagalo ya kgonagalo tshwanetswe go salwa morago Ko godimo Ko tlase mantsha mo tshenyego ya mananeo a moepo wa DoM gore go kgatelelong ya ditsela le nne le kgonagalo ya go epa ko metsi a nnang ko diphaephe mabapi tlase ga ditsela le mafelo a mangwe tlase ga lefatshe. le go wela ga a amegang. Mo bogompienong, lefatshe. moepo wa Morupule o setse diteseletso tse morago. Mo ponelopeleng, moepo o bereka le DoR, DoM le CDC. Moepo o tla nna le dithuto tsa go supa go welela ga lefatshe le ka fa go ka sirelediwang ka teng. Dithuso tsa potlako di tshwanetse go nna teng ka nako tsotlhe fa go amiwa kgonagalo ya go welela ga lefatshe. Tiragalo e, e tshwanetse go elwa tlhoko ka nako tsotlhe. A3 Go ntshiwa ga Go fokotsega ga Ga gona Moepo o bereka o setse morago magala a diphaephe tse di kgonagalo ditumelo le melawana ya moepo wa Go lekanela Ko tlase mantsha mo kgophang metsi a DoM, ya go bereka ko tlase ga kgatelelong ya a leswe mo nokeng ditsela le dinoka. Mo ponelo peleng, metsi a nnang ko ya Morupule le moepo o bereka le ba DWA, DoR le tlase ga lefatshe. Lotsane mabapi le CDC. Bokopano le ba ba amegang kwelelo ya bo a tlhokafala nako le nako. Go ela lefatshe. tlhoko ka go welela ga lefatshe mo dinokeng tsa morupule le Lotsane go tshwanetse go tswelela. A4 Go ntshiwa ga Go fokotsega ga Ga gona Le ntswa go epiwa ko tlase ga magala a metsi a tswang ko kgonagalo lefelo le le tshwarang metsi mo Go lekanela Go lekanela mantsha mo tlase ga lefatshe mmung, ga go ise go nne le tiragalo kgatelelong ya mo mafelong a a e mo go yone go nnileng le go tsitla metsi a nnang ko gaufi le moepo go ga metsi go tswa ko tlase. Le fa go tlase ga lefatshe bakiwa ke go ntse jalo, go tshwanetswe go elwa epiwa ko tlase ga tlhoko tiragalo ya mofuta o, ka go lefelo le le gona bosupi gore e ka se diragale. tshwarang metsi ko tlase ga mmu. A5 Go ntshiwa ga Go ka nna le Ga gona Go tsitla ga metsi a tswang ko tlase Go lekanela Ko tlase magala a kgonagalo ya go kgonagalo ga mmu go tshwanetse go elwa mantsha mo tsitla ga metsi mo tlhoko ka nako tsotlhe mme ga se, kgatelelong ya moepong. seka diragala, metsi a tshwanetse metsi a nnang ko go somarelwa mme a dirisiwe ka tlase ga lefatshe nako ya fa go epiwa. A6 Go ntshiwa ga Kgonagalo ya Ga gona Moepo o thswanetse go tshwara Go lekanela Ko tlase magala a dikotsi le dikgobalo kgonagalo dithuto tsa go welela ga lefatshe. mantsha mo go bakiwa ke go Ba MCL ba tshwanetse go gatisa kgatelelong ya wela ga mmu. dingongorego tsa batho ba ba metsi a nnang ko nnang mo motseng mmogo le go tlase ga lefatshe. itshwaraganya le ba ba amegang ka lenaneo le le kgotlhadiwang ke batsaakarolo. Mafelo a amegang a tshwanetse go tshwaiwa. A7 Go thubiwa ga Ditshenyegelo mo Ga gona Moepo o tshwanetse go sala Go lekanela Ko tlase mantswe ko tlase dikagong, ditsela le kgonagalo morago melawana ya Moepo wa ga mmu. banni ba ba gaufi Ditswammung, Dikhwari, tiriso ya le moepo, mabapi mechine le go thujwa ga mantswe. le go roroma ga Moepo o tshwanetse go itsise lefatshe ka nako ya botlhe ba ba amegang ka nako ya go thubiwa fa go thubiwa mantswe. Se, se mantswe. tshwanetse go fokotsa ditshenyegelo mo banning ba tikologo. Kelotlhko e tshwanetse go nna teng ka nako tsotlhe fa go nna le go thubiwa ga mantswe. B. DITSELA TSA GO LETLELELA PHEFO KA NAKO YA GO EPIWA B1 Ditsela tsa go Modumo o o Ga gona Didirisiwa di tshwanetse go nna di le mo Go lekanela Ko tlase letlelela phefo feteletseng mo kgonagalo maemong a siameng go ka dirisiwa. Disireletsa bathong ba ba modumo ditshwanetse go nna teng ka nako ya nnang gaufi le fa go dirwa didirisiwa tsa go letlelela phefo gore moepo. modumo o kgone go ntshetswa ko godimo. Ka nako ya go dirisiwa didirisiwa tse, go tshwanetse ga salwa morago melawana ya madirelo a SANS 10103, go sireletsa go thuthafala ga didirisiwa le maphata a mangwe a moepo a a ka bakang modumo. Kelotlhoko mo modumong e tshwanetse go nna teng ka nako tsotlhe. Mantshwenyego kana dingogorego di tshwanetse go tsewa tsia mme di gatisiwe, ka jalo dikarabo di nne teng ka bofefo jo bo kgonagalang C. GO EPIWA , GO THUBIWA GA MANTSWE, GO BONESIWA, GO TLHATSWIWA, GO TSHWARIWA LE GO KGOBOKANNGWA GA MAGALA. C4 Go thubiwa, go Teseletso ya go ka Ga gona Ka nako ya go dirwa didirisiwa tse, go tshwanetse ga salwa Go Ko tlase bewa le go tsosa modumo o o kgonagalo morago melawana ya madirelo a SAS 10103, go sireletsa go lekanela tshwarwa ga lekanetseng mo thuthafala ga didirisiwa le maphata a mangwe a moepo a a magala. banning ba ba ka bakang modumo. Matshwenyego le dingongorego tsa gaufi le moepo. banni ba tikologo, di tshwanetse go tsewa tsia mme di gatisiwe, ka jalo dikarabo din ne teng ka bofefo jo bo kgonagalang. C6 Go Go kgotlhelesega Ga gona Go fokotsa kgotlhelesego mo phefong, go tshwanetse ga Go Ko tlase kgobokanngwa ga phefo ka nako kgonagalo pataganngwa magala go itsa go ntshiwa ga di gase ga tsatsi lekanela ga magala. ya fa go thubiwa le letsatsi. Ditimamolelo di tshwanetse go nna teng mo magala. lefelong le go kgobokanyediwang magala teng. C7 Go Go kgotlhelesega Ga gona Magala a tshwanetse go bewa mo mafelong a a Go Go lekanela kgobokanngwa ga metsi mo go kgonagalo sireletsegileng gape a sa pitlagana. Metsi a a dirisitsweng go lekanela ga magala. bakiwang ke tlhatswa magala a ka phephafadiwa gore a dirisiwe gape. tlhakatlhakano ya Didiba di thwanetse go epiwa go remeletswe thata mo di asiti tse di lentsweng la Kgalagadi, le mo go lone go ka fitlhelwang tswang mo metsi a tlhwatlhwa e e ko godimo. Didiba di tshwanetse go didirisiweng tse di nna ka fa tlase ga tlhokomelo go itsa phetogo mo boleng jwa kgophang metsi a metsi. Ka seemo se, magala a a kgobokantsweng a ka a leswe. gatisiwa mme go tsewe dikgato tse di lebaneng. D. Go fudusiwa ga magala (Go sena ditlamorago) E. Didirisiwa tse di mo tirisong, Bookamedi le kelotlhoko ya tseo tse di sa dirisiweng F. Khuduso ya metsana e e mo lefelong la teseletso Moepo. F1 Tiriso ya lefatshe Go latlhegalwa ke Ga gona Ba MCL ba tshwanetse go fokotsa boMaipaahela le go itsa Ko godimo Ko tlase ka fa molaong. go ka itshetsa ga kgonagalo ditshenyegelo mo go ba ba amegang. Fa go fudusiwa ga batho, mo go batho go tlhokega, madi a ka ntshiwa ele phimolo dikeledi go bakiwang ke go tokafatsa matshelo a bone, sekai e ka nna gore matlo le dirisa lefatshe ka didiba di nne teng gore batho ba ba amegang ba kgone go fa molaong. tsenelela temo-thuo. Se se tshwanetse go dirwa e le nngwe ya ditsela tsa go tokafatsa matshelo a batho ba. BaMCL ba ka tsaya se tsia fa ba lemoga gore go sirelesegile go ka nna batho. Fa go bewa ga batho ba ba amegang go sa sirelesega, ba MCL ba tshwanetse go nna le maano a go ka busetsa batho mo matshelong a bone a ba a tlwaetseng pele ba fudusiwa. Se, se ka kgonafala ka go sala mananeo a phuduso batho morago. Mananeo a, a ka dirisiwa pele fa go nna le phuduso ya batho. F2 Go fudusiwa ga Go oketsega ga Kgonagalo Ba lephata la Bojanala mo Palapye, ba ka tokafatsa seemo Go lekanela Go diruiwa le batho diphologolo ka go se ka go tlisa mananeo a tiriso ya tsa Bojanala ka nako ya lekanela mo lefelong la farologana go ka moepo o le mo tirisong. Moepo nna teng, go bakiwa ke go fuduga ga batho. G. BODIRI LE DITHUSO TSE DI TLHOKAFALANG G1 Bodiredi Go oketsega ga mebereko mo Kgonagalo Batlhoka boitsaanape ba tshwanetse go rutuntshiwa Ko godimo Ko godimo moepong, go bakiwa ke go ke ba Ofisi ya tsa Khiro mo Palapye. Ba MCL ba tlisiwa ga didirisiwa tsa moepo tshwanetse go sala morago tumalano ya go oketsa tse disha. dipalo tsa bomme ba ba berekang. Batho ba metsana e e gaufi le Palapye le bone ba tshwanetse go itsisiwe. G3 Bodiredi Go oketsega ga malwetsi a a Ga gona Ba MCL ba tshwanetse go tswelela ka mananeo a Ko godimo Go lekanela tshelanwang go bakiwa ke go kgonagalo bone a patlo maikutlo ka bolwetse jwa HIV/AIDS le gola ga dipalo tsa batho ba ba ka fa bo ka thibelwang ka teng. Babereki ba berekang mo moepong le tshwanetse go itsisiwe ka bodiphatsa tsa bolwetsi jo ka bo amile batho ka dipalo tse di ko godimo mo banni mo tikologong. Palapye. G4 Dithuso Go oketsega itsholelo mo Kgonagalo Ba MCL ba tshwanetse go dirisanya le bagwebi ba Go lekanela Go lekanela tse di motseng ka mabaka a go dira motse go bona dithoto le ditlamelo. Go ka dira se, tlhokafal sentle ga dikgwebo. melawana ya go kopa dithuso e tshwanetse go ang salwa morago fa go tlhokafala mo go ba kgaolo ya Palapye-Serowe. Se, se ka tlisa dipoelo tse di nametsang mo mafelong a amegang. Tekanelo kana bokogodimo jwa ditlamorago mo go bakiwang ke go sa kopa dithuso go tswa kontle mo katlolosong ya moepo wa bone wa Mtpa mmogo le bosupi jo bo lebaneng. Nomoro Ditiragalo Ditlamorago Tlholego Dikgato tsa Bosupi (ntle le dikgato Bosupi (mmogo le dikgato tsa itshereletso) Itshereletso tsa itshireletso) A. Go aroganya le go thubiwa ga mantswe (ditlamorago tse di lekanetseng kana tse di ko godimo). B. Kopano le go tswalwa ga moepo le mekgokolosa (ditlamorago tse di lekanetseng kana tse di ko godimo). C. Tokafatso ya mafelo a amegang (ditlamorago tse di lekanetseng kana tse di ko godimo). D. Kgobokanyo le go ntshiwa ga matlakala mo lefelong la moepo (ditlamorago tse di lekanetseng kana tse di ko godimo). E. Tiriso ya didirisiwa le boeteledipele mo dikagong tsa moepo (ditlamorago tse di lekanetseng kana tse di ko godimo).